FAQ - Setswana

4 • Sanlam e kopile maloko otlhe a e leng bajaboswa gore a tsenele konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya le konteraka ya inshorense ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya. • Ga o tlhoke go dira sepe wena jaaka leloko gore o amogele konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya kgotsa konteraka ya inshorense ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya, mme o tshwanetse go tswelela o duela dituelo tsa gawgo tsa kgwedi le kgwedi tsa boloko . • Fa o tswelela go ntsha madi a gago a moneelo, mme o sa gane Kopo ya Kgotlatshekelo ya gore go amogelwe diphetogo mo bolokong jwa gago, go tla tsewa gore o dumela go tsaya konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya kgotsa konteraka ya inshorense ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya. • Konteraka ya gago ya inshorense ya Pukwana ya Kganya kgotsa konteraka ya gago ya inshorense ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya e tla simolola go dira ka di 1 January 2023, fa e le gore Kgotlatshekelo e e kwa Godimo e tla amogela diphetogo tsa bokoko jwa gago ka di 3 August 2022. O tshwanetse go dira eng gore diphetogo tsa boloko jwa gago di simolole go dira? • Sepe. • Ka ntlha ya diphetogo mo bolokong jwa gago, batsamaisi ba terasete ba Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya ba tla buisana le Kgotlatshekelo e e Kwa Godimo ya Aforikaborwa gore e amogele diphetogo. Go dirilwe sotlhe se se tlhokegang go tlhomamisa gore dithuso tsa gago ga di fetoge le gore ditsagago jaaka leloko le le tshwanetseng go bona dithuso mo letloleng leno di a sirelediwa e bile ga di na go amega ka tsela epe e e sa siamang ka ntlha ya diphetogo tseno. Kopo ya Kgotlatshekelo ke eng? • Gore diphetogo tse di dirwang mo tsamaisong ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya di kgone go dumelelwa, maloko a Letlole a tlile go dira kopo kwa Kgotla Kgolo ya Aforika Borwa (ya Gauteng, kwa Pretoria) tumalanong le karolo 13 ya Molawana wa Taolo ya Dithoto Tsa Letlole wa bo57 wa 1988 (Trust Property Control Act 57 of 1988) (“ Kopo mo Kgotlatshekelo ”) go dumelela diphetogo. • Gape Kgotlatshekelo e Kgolo e tla sekaseka se Sanlam e se buang go ya ka konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya le ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya, le dilo tse dingwe tseo tsotlhe tse di amanang le diphetogo jaaka fa di tlhalosiwa mo Kopong ya kwa Kgotlatshekelo. • Go tswa foo Kgotla Kgolo e tla sekaseka diphetogo tseno ka kelotlhoko, le go tlhomamisa gore ditsagago jaaka leloko le le tshwanetseng go bona dithuto di a sirelediwa. • Kopo ya Kgotlatshekelo e ntshitswe go tswa kwa Kgotlatshekelong e Kgolo ya Aforika Borwa (ya Gauteng, kwa Pretoria), tlase ga kgetse ya nomoro eno 62972/2021 . A ke tshwanetse go dira sengwe malebana le Kopo ya Kgotlatshekelo? • Nnyaa, ntle le fa o batla go nna kgatlhanong le diphetogo. • Fa o batla go tlhagisa ngongorego ya gago ka diphetogo tseno, o ka dira jalo ka go kwala kitsiso ya go batla go ganetsana le Kopo e e Dirwang kwa Kgotla Kgolo ya Aforika Borwa (ya Gauteng, kwa Pretoria) ka letlha la 20 Phukwi 2022 kgotsa pele ga lone. • Fa o tsenya kitsiso ya gore o batla go ganetsa Kopo ya Kgotlatshekelo, kitsiso eno e tshwanetse gape go romelwa kwa babueleding ba modirakopo, e leng Webber Wentzel kwa 90 Rivonia Road, Sandton, 2196, kgotsa ka imeile go [ Kganya@webberwentzel.com ], mme lekwalo le tlhalose gore le kwaletswe Z Swanepoel / D Prinsloo. Mo kitsisong ya gago ya gore o batla go ganetsa, o tshwanetse go kwala aterese ya kwa o batlang gore dikitsiso go ya pele tse o di romelelwang di romelwe kwa go yone le ditokomane tsa Kopo ya Kgotlatshekelo, mme

RkJQdWJsaXNoZXIy MTI4MTE=