FAQ - Setswana

5 aterese eo e nne bokgakala jwa dikilometara di le 15 mo tikologong yotlhe e kgotlatshekelo e leng mo go yone (“ Aterese ”). • Tsweetswee ela tlhoko gore fa o tlatsa kitsiso ya go batla go ganetsa ka letlha la di 20 Phukwi 2022 kgotsa pele ga lone, o tla tshwanelwa ke go romela afitafiti ya karabo ya gago kwa kgotla Kgolo ya Aforika Borwa (ya Gauteng, kwa Pretoria) mo lobakeng lwa malatsi a le 15 (malatsi a tiro) a kgotlatshekelo morago gamoo, mme gape o romele khopi ya one kwa babueleding ba modirakopo, Webber Wentzel o dirisa dintlha tse di fa godimo. • Kopo ya Kgotla e tla reediwa ka di 3 Phatwe 2022 , kgotsa fa go direga gore o ganetse Kopo ya Kgotlatshekelo, ka letlha le le tlhomilweng ke Mokwadisi wa Kgotlatshekelo e Kgolo. Babueledi ba Modirakopo ba tla go itsise ka letlha leno (ke gore, letlha le le tla laolwang le Mokwadisi wa Kgotla kgolo) ka go romela kitsiso ya letlha leo kwa Atereseng. • Re a boeletsa, fa o sa ganetsane le Kopo eno ya Kgotlatshekelo, ga o tlhoke go dira sepe . Go diregang fa Kgotla Kgolo e dumelela Kopo eno ya kwa Kgotlatshekelo? Diphetogo tseno di tla simolola leng go diragadiwa? • Fa Kgotla Kgolo e dumelela Kopo ya Kgotlatshekelo, diphetogo di tla simolola go dira go tloga ka [ 1 January 2023 ] (“Letsatsi la go Simolola”). Fa diphetogo tsa go nna maloko di simolola go dira, go tla diregang? • Maloko otlhe a a bontshang dithuso mo letloleng a tla tswelela e le maloko a Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya. • Maloko otlhe a a bonang dithuso a tla newa konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya kgotsa konteraka ya inshorense ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya e e tla tlamelang ka madi a ditshiamelo, a a ntshiwang ke Sanlam. • Maloko otlhe a a bonang dithuso mo letloleng a tshwanetse go tswelela a ntsha moneelo wa one wa kgwedi le kgwedi. • Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya, go tswa mo meneelong ya go nna leloko, le tla – o duela Sanlam madi a kgwedi le kgwedi tumalanong le konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya le konteraka ya inshorense ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya mo boemong jwa maloko otlhe a a bonang thuso a a ntshitseng meneelo ya yone ya go nna maloko; o le tla ntsha moneelo mo ZCC; o le tla ntsha le/kgotsa go duela madi a Leeto la Moria, madi a fa o tlhagetswe ke mathata mo tseleng, madi a tsamaiso ya phitlho le melemo ya tlhokomelo ya botsogo jo bontle (mo malokong a komiti ya kereke ba ba bonang melemo mo dituelong tsa letlole); e bile o le tla dira gore maloko a Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya le a Letlole le a Kereke ya ZCC a bone dithuso tse dingwe tse le di tlhophang le tse di tla solegelang maloko molemo. A bukana ya gago ya go nna leloko e tla fetoga ka ntlha ya diphetogo tseno? • Fa Kgotlatshekelo e Kgolo e amogela Kopo ya Kgotla, o tla amogela bukana e ntšhwa ya melao le melawana ya go nna leloko e e tlotlang ka ditshwanelo tsa gago jaaka leloko le bosupi jwa gore o leloko la Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya. Bukana ya gago e ntšhwa ya go nna leloko e e tlhalosang ka melao le melawana e tla simolola go dira ka 1 January 2023.

RkJQdWJsaXNoZXIy MTI4MTE=