FAQ - Setswana

3 • Fa o ntsha meneelo ya kgwedi le kgwedi, o tlhomamisa gore oleloko la Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganyale le tshwanelwang ke go bona dithuso tsa letlole. • Tsweetswee ela tlhoko gore madi a moneelo a o a ntshang kgwedi le kgwedi gore o nne leloko la letlole e tla nna e ntse e le one a o ntseng o a ntsha mme ga a na go fetolwa kgotsa go angwa ke diphetogo tse di diregang. Inshorense ya konteraka ya Pukwana ya Kganya ke eng? • Konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya ke pholisi ya inshsorense e e tlhamilweng ke Sanlam Developing Markets Limited. • Fa o le leloko la go bona ditshiamelo tsa Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya, o tla newa konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya gore o nne le ditshiamelo tsa madi a inshorense tse pele di neng di bonwa go tswa go Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya. • Tsweetswee ela tlhoko gore konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya e tla nna le dipholisi di le pedi tsa inshorense tse o di newang e le karolo ya go nna ga gago leloko la Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya: o pukwana ya Kganya ya ditshiamelo tsa madi a Pholisi ya Phitlho; le o pukwana ya Kganya ya Bolwetse jo bo Masisi le Pholisi ya go Tlhagelwa ke Kotsi ya bolwetse jo bo masisi le ditshiamelo tsa madi a go tlhagelwa ke kotsi. • Ditshiamelo tsa madi a a amogelwang go ya ka konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya di tshwana le tsa ditshiamelo tsa inshorense tse o newang tsone gone jaanong ka Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya. Konteraka ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya ke eng? • Konteraka ya inshorense ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya ke pholisi ya inshorense e e simolotsweng ke Sanlam Developing Markets Limited. • Fa e le gore o motlhankedi wa kereke ya ZCC mme o le leloko la bajaboswa ba Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya, o tla newa konteraka ya inshorense ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya gore o nne le ditshiamelo tsa madi a inshorense a pele a neng a bonwa go tswa go Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya. • Konteraka ya inshorense ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya e tla nna le dipholisi di le pedi tsa inshorense tse o di newang e le karolo ya go nna ga gago leloko la Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya: o pholisi ya Phitlho ya Baruti Pukwana ya Kganya ya madi a ditshiamelo a phitlho; le o pholisi ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya ya Bolwetse jo bo Masisi le ya Go Tlhagelwa ke Kotsi ya bolwetse jo bo masisi le ya go tlhagelwa ke kotsi. • Madi a ditshiamelo a o a amogelang go ya ka konteraka ya inshorense ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya di tshwana le tsa ga jaaanong jaana tse o di amogelang go tswa kwa Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya. Ke mang Sanlam? • Sanlam Developing Markets Limited ke motlamela ka inshorense ya madi a a ntshiwang morago ga loso yo o neilweng dithata go ya ka Molawana wa Diinshorense wa bo18 wa 2017 (Insurance Act, 18 of 2017), motlamela ka ditirelo tsa madi yo o neilweng dithoto wa FSP ya nomoro ya 11230 e bile ke motlamela ka inshorense yo o tla nayang maloko dithuso tsa inshorense tumalanong le konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya le konteraka ya inshorense ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya. Sanlam e tla nnaya jang dipholisi tsa inshorense jaaka leloko le e leng mojaboswa?

RkJQdWJsaXNoZXIy MTI4MTE=