FAQ - Setswana

2 o Dimametlelelo tsa Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya le melawana ya Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya di tla fetola fela tsela e maloko a e leng bajaboswa ba tla kgonang go fitlhelela madi a ditshiamelo tsa inshorense ka gone. Seno se tla dirwa ka go emisetsa ditshiamelo tse di bolokilweng tse ga jaanong jaana di kgonang go bonwa ka dituelo tsa dituelo tsa kgwedi le kgwedi tsa Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya – § tshwanelo ya madi a a bolokilweng a Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya ka ntlha ya dituelo tsa kgwedi le kgwedi; le § tshwnelo kgatlhanong le Sanlam go ya ka konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya kgotsa konteraka ya inshorense ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya ya madi a a inshorilweng a ditshiamelo. o Jaaka leloko le le thusiwang ke letlole leno, o ka tlhomamisega gore Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya le tla ntsha madi a kgwedi le kgwedi a a tshwanetseng go newa Sanlam fa fela wena o ntse o ntsha moneelo wa gago wa kgwedi le kgwedi wa Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya. Tsweetswee ela tlhoko: Fa o sa ntshe moneelo wa gago wa go nna leloko la Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya, Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya ga le na go duela madi a kgwedi le kgwedi jaaka go kaiwa ke konteraka ya Pukwana ya Kganya le Sanlam mme o ka nna wa latlhegelwa ke dithuso tse di botlhokwa tse o tshwanetseng go di bona tsa inshorense . o Fa o amogela konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya kgotsa ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya, fa o batla go dira kopo ya go bona dithuso dingwe tsa inshorense, o tshwanetse go di dira mo Sanlam. Lefa go ntse jalo kopo ya gago e tla tshwanela fa fela o dira tumalanong le melao le dipeelo tse di tlhalosiwang mo konterakeng ya inshorense ya Pukwana ya Kganya kgotsa konteraka ya inshorense ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya. Seno se tlhoka gore, gareng ga tse dingwe, o ntshe meneelo ya kgwedi le kgwedi mo ya go nna leloko la Letlole o e ntshetse Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya. o Kganya Insurance Administrators (RF) Proprietary Limited e tla tswelela go nna e tsamaisa dithuso tsa inshorense. Seno se raya gore tsela e dikopo tsa dithuso tsa inshorense di tsamaisiwang ka gone ga e na go fetoga. • Diphetogo tsa go nna leloko ga gago go ya ka ditshiamelo tsa melemo e se nang inshorense di ka mokgwa o o latelang: o Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya le tla ntshetsa ZCC meneelo ka dituelo tsa gago tsa kgwebo le kgwebo tsa go nna leloko mo boemong jwa gago jaaka leloko le le bonang dithuso mo letloleng. o Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya leno le tla tswelela go nna le ntsha le/kgotsa go rulaganya gore o bone melemo e mengwe e e seng ya inshorense, e e leng ya Leeto la Moria, dithuso tsa fa o tlhagetswe ke mathata mo tseleng le dithuso tse dingwe tsa tsamaiso ya phitlho le melemo ya tlhatlhobo ya botsogo (mo malokong a komiti ya kereke ba e leng maloko a a thusiwang ke letlole) ka tsela e le ntseng le dira ka yone . A ke tshwanetse go tswelela ke duela madi a kgwedi le kgwedi a boloko? A madi a ke a duelang a boloko jwa me a tla fetoga? • Jaaka leloko la Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya, o tshwanetse go nna o ntsha moneelo wa kgwedi le kgwedi wa go nna leloko kwa makaleng a a farologaneng a Kereke. Go tla go fitlha jaanong, o ntse o newa rasiti fa o ntsha moneelo wa kgwedi le kgwedi wa go nna leloko. • Dikomiti tsa kereke di tla tsenya madi ao a moneelo wa go nna maloko mo akhaontong ya banka ka leina la Letlole la Terasete la Ditshiamelo Tsa Kganya.

RkJQdWJsaXNoZXIy MTI4MTE=