2022 Communications Flyer TN

• Ka gone, Letlole ga le tlhole le tla kgona go ntsha le/kgotsa le leka go ntsha dithuso tsa inshorense ka dipholisi tsa ditlamo tseno. Lefa go ntse jalo, dithuso tsa gago tsa inshorense ga di na go latlhega fa re diragatsa diphetogo tseno . • Fa go diragatswa diphetogo tseno, go tshwanetse ga elwa tlhoko tse di latelang: o Jaaka leloko le le tshwanelegang go bona dithuso mo letloleng o tlile go newa konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya (kgotsa Konteraka ya Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya fa o le leloko la komiti le le bonang melemo mo mading a letlole) e mo lekwalong leno e bidiwang “ Konteraka ya Inshorense ya Pukwana ya Kganya ”, e e rulagantsweng ke Sanlam, mme o tla nna mong wa dipholisi le Sanlam moo o tlileng o nna o bona dithuso tsa inshorense tse di tshwanang le tse di neng di ntshiwa ke Letlole tumalanong le dipholisi tsa setlamo seno. O tshwanetse go sekaseka melao le melawana ya konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya ka kelotlhoko ka gonne ga e tshwane le melao le melawana ya Letlole. o Ka gone diphetogo tse di dirilweng mo Letloleng leno le melao ya Letlole di tlile go fetola fela tsela e maloko a a bonang dithuso mo letloleng a bonang ka teng dithuso tseo, mme e tla nna ka go dira gore dithuso tse gone jaanong di bonwang go tswa mo Letloleng di emisediwe ka i) tshwanelo e Letlole le nang le yone gore go duelwe madi a kgwedi le kgwedi; le ii) tshwanelo e Sanlam e nang le yone mo konterakeng ya inshorense ya Pukwana ya Kganya ya madi a a ntshiwang a inshorense. o Jaaka leloko le le thusiwang ke letlole leno, o ka tlhomamisega gore Letlole le tla ntsha madi a kgwedi le kgwedi a a tshwanetseng go newa Sanlam fa fela wena o ntse o ntsha moneelo wa gago wa kgwedi le kgwedi wa Letlole. Tsweetswee ela tlhoko : Fa o sa ntshe moneelo wa gago wa go nna leloko la Letlole, Letlole ga le na go duela madi a kgwedi le kgwedi jaaka go kaiwa ke konteraka ya Pukwana ya Kganya le Sanlam mme o ka nna wa latlhegelwa ke dithuso tse di botlhokwa tse o tshwanetseng go di bona tsa inshorense. o Fa o amogela konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya, fa o batla go dira kopo ya go bona dithuso dingwe tsa inshorense, o tshwanetse go di dira mo Sanlam. Lefa go ntse jalo kopo ya gago e tla tshwanela fa fela o dira tumalanong le melao le dipeelo tse di tlhalosiwang mo konterakeng ya inshorense ya Pukwana ya Kganya. Seno se tlhoka gore, gareng ga tse dingwe, o ntshe meneelo ya kgwedi le kgwedi mo Letloleng. o Kganya Insurance Administrators (RF) Proprietary Limited (“ KIA ”) e tla tswelela go nna e tsamaisa dithuso tsa inshorense. Seno se raya gore tsela e dikopo tsa dithuso tsa inshorense di tsamaisiwang ka gone ga e na go fetoga. o Tsweetswee ela tlhoko gore konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya e tla nna le dipholisi di le pedi tsa inshorense tse o di newang e le karolo ya go nna ga gago leloko la Letlole: - Pholisi ya Phitlho ya Pukwana ya Kganya (kgotsa Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya Funeral Policy mo malokong a kereke a komiti ba e leng baamogela melemo ya letlole) e e thusang ka nako ya phitlho; le - Pholisi ya Pukwana ya Kganya ya Bolwetse jo bo Masisi le Kotsi E e Ka go Tlhagelang (kgotsa Thari ya Baruti Pukwana ya Kganya Dread Disease and Personal Accident Policy mo malokong a komiti a kereke ba e leng baamogela melemo ya letlole) e e thusang mo maemong a fa o na le bolwetse jo bo masisi le kotsi e e go tlhagetseng. Melemo e mengwe ya go nna leloko la Letlole fa diphetogo di diragadiwa • Letlole leno le tla tsaya mo meneelong ya gago ya kgwedi le kgwedi ya go nna leloko go go ntshetsa moneelo mo ZCC jaaka leloko le le tshwanetseng go bona dithuso mo letloleng. • Letlole leno le tla tswelela go nna le ntsha le/kgotsa go rulaganya gore o bone melemo e mengwe e e seng ya inshorense, e e leng ya Leeto la Moria, dithuso tsa fa o tlhagetswe ke mathata mo tseleng le dithuso tse dingwe tsa tsamaiso ya phitlho le melemo ya tlhatlhobo ya botsogo (mo malokong a komiti ya kereke ba e leng maloko a a thusiwang ke letlole) ka tsela e le ntseng le dira ka yone. Kopo ya Kgotlatshekelo ke eng? • Kopo ya Kgotlatshekelo ke thulaganyo e e dirisiwang ke Letlole go fetola melao ya lone le ditsamaiso tsa Letlole ntle le go newa tumelelo ke maloko a a newang dithuso a Letlole, ka tumelelo ya Kgotlatshekelo e kgolo ya Aforika Borwa (ya Gauteng, kwa Pretoria). Gape Kgotlatshekelo e Kgolo e tla sekaseka se Sanlam e se buang go ya ka konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya, le dilo tse dingwe tseo tsotlhe tse di amanang le diphetogo jaaka fa di tlhalosiwa mo Kopong ya kwa Kgotlatshekelo.

RkJQdWJsaXNoZXIy MTI4MTE=