2022 Communications Flyer TN

• Kopo ya Kgotlatshekelo e ntshitswe go tswa kwa Kgotlatshekelong e Kgolo ya Aforika Borwa (ya Gauteng, kwa Pretoria), tlase ga kgetse ya nomoro eno 62972/2021. • Fa o batla go tlhagisa ngongorego ya gago ka diphetogo tseno, o ka dira jalo ka go kwala kitsiso ya go batla go ganetsana le Kopo e e Dirwang kwa Kgotla Kgolo ya Aforika Borwa (ya Gauteng, kwa Pretoria) ka letlha la 20 Phukwi 2022 kgotsa pele ga lone. • Fa o tsenya kitsiso ya gore o batla go ganetsa Kopo ya Kgotlatshekelo, kitsiso eno e tshwanetse gape go romelwa kwa babueleding ba modirakopo, e leng Webber Wentzel kwa 90 Rivonia Road, Sandton, 2196, kgotsa ka imeile go Kganya@webberwentzel.com , mme lekwalo le tlhalose gore le kwaletswe Z Swanepoel / D Prinsloo. Mo kitsisong ya gago ya gore o batla go ganetsa, o tshwanetse go kwala aterese ya kwa o batlang gore dikitsiso go ya pele tse o di romelelwang di romelwe kwa go yone le ditokomane tsa Kopo ya Kgotlatshekelo, mme aterese eo e nne bokgakala jwa dikilometara di le 15 mo tikologong yotlhe e kgotlatshekelo e leng mo go yone (“Aterese”). • Tsweetswee ela tlhoko gore fa o tlatsa kitsiso ya go batla go ganetsa ka letlha la di 20 Phukwi 2022 kgotsa pele ga lone, o tla tshwanelwa ke go romela afitafiti ya karabo ya gago kwa kgotla Kgolo ya Aforika Borwa (ya Gauteng, kwa Pretoria) mo lobakeng lwa malatsi a le 15 (malatsi a tiro) a kgotlatshekelo morago gamoo. mme gape o romele khopi ya one kwa babueleding ba modirakopo. Webber Wentzel o dirisa dintlha tse di fa godimo. • Kopo ya Kgotla e tla reediwa ka di 3 Phatwe 2022, kgotsa fa go direga gore o ganetse Kopo ya Kgotlatshekelo, ka letlha le le tlhomilweng ke Mokwadisi wa Kgotlatshekelo e Kgolo. Babueledi ba Modirakopo ba tla go itsise ka letlha leno (ke gore, letlha le le tla laolwang le Mokwadisi wa Kgotla kgolo) ka go romela kitsiso ya letlha leo kwa Atereseng. • Fa o sa ganetsane le Kopo eno ya Kgotlatshekelo, ga o tlhoke go dira sepe . Go diregang fa Kgotla Kgolo e dumelela Kopo eno ya kwa Kgotlatshekelo? Diphetogo tseno di tla simolola leng go diragadiwa? • Fa Kgotla Kgolo e dumelela Kopo ya Kgotlatshekelo, diphetogo di tla simolola go dira go tloga ka 1 January 2023 (“ Letsatsi la go Simolola ”): • Seno se raya gore ka Letlha la go Simolola: o Maloko otlhe a a bontshang dithuso mo letloleng a tla tswelela e le maloko a Letlole. o Maloko otlhe a a bonang dithuso a tla newa konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya e e tla mmolelelang ka melemo ya inshorense. Konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya e tla tsamaisiwa ke Sanlam. o Maloko otlhe a a bonang dithuso mo letloleng a tshwanetse go tswelela a ntsha moneelo wa one wa kgwedi le kgwedi. o Letlole le tla, go tswa mo meneelong ya go nna leloko – - duela Sanlam madi a kgwedi le kgwedi tumalanong le konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya mo boemong jwa maloko otlhe a a bonang thuso a a ntshitseng meneelo ya yone ya go nna maloko; - le tla ntsha moneelo mo ZCC; - le tla ntsha le/kgotsa go duela madi a Leeto la Moria, madi a fa o tlhagetswe ke mathata mo tseleng, madi a tsamaiso ya phitlho le melemo ya tlhokomelo ya botsogo jo bontle (mo malokong a komiti ya kereke ba ba bonang melemo mo dituelong tsa letlole); e bile - le tla dira gore maloko a Letlole le a Kereke ya ZCC a bone dithuso tse dingwe tse le di tlhophang le tse di tla solegelang maloko molemo. Ke mang Sanlam? • Sanlam ke motlamela ka inshorense ya madi a a ntshiwang morago ga loso yo o neilweng dithata go ya ka Molawana wa Diinshorense wa bo18 wa 2017 (Insurance Act, 18 of 2017), motlamela ka ditirelo tsa madi yo o neilweng dithoto wa FSP ya nomoro ya 11230 e bile ke motlamela ka inshorense yo o tla nayang maloko dithuso tsa inshorense tumalanong le konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya. Sanlam e tla ntsha jang dipholisi tsa inshorense tse e leng karolo ya konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya e a neye maloko a e tshwanetseng go a naya one? • Sanlam e go bulela fano jaaka leloko le le tlileng go bona dithuso mo letloleng gore o tsene mo konterakeng ya inshorense ya Pukwana ya Kganya. • Ga go tlhokege gore o dire sepe go amogela konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya mme gone o tshwanetse go tswelela o ntsha meneelo.

RkJQdWJsaXNoZXIy MTI4MTE=