2022 Communications Flyer TN

• Fa o tswelela go ntsha madi a gago a moneelo, mme o sa gane Kopo ya Kgotlatshekelo, go tla tsewa gore o dumela go tsaya konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya mme konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya e tla simolola ka Letlha le le Beilweng. • Mo Kopong ya Kgotlatshekelo, Kgotlatshekelo e tla kopiwa go laela gore Sanlam e newe dithata tsa go go naya pholisi, le gore Sanlam e dire jalo. A bukana ya gago ya go nna leloko e tla fetoga ka ntlha ya diphetogo tseno? • Fa Kgotlatshekelo e Kgolo e amogela Kopo ya Kgotla, o tla amogela bukana e ntšhwa ya melao le melawana ya go nna leloko e e tlotlang ka ditshwanelo tsa gago jaaka leloko le bosupi jwa gore o leloko la Letlole. Bukana ya gago e ntšhwa ya go nna leloko e e tlhalosang ka melao le melawana e tla simolola go dira go simolola ka Letsatsi la go Dira. • Bukana e ntšhwa eno ya melao le melawana ya go nna leloko e tla tsaya logato lwa melao yotlhe le melawana e e teng ya Letlole go simolola ka Letsatsi la go Dira. • Bukana e ntšhwa ya melao le melawana ya go nna leloko e tla newa maloko otlhe a a bonang dithuso go tswa mo letloleng mahala . • O se ka wa latlha buka e o e dirisang gone jaanong ya go nna leloko ka gonne buka eo e tla nna e dirisiwa go nna bukana ya dirasiti tsa go duela moo go tla kwalwang gone madi otlhe a a amogelwang. Buka ya gago ya gone jaanong ya go nna leloko le yone e tla nna e ntse e dira go ya ka ditnlha tse di mo Foromong ya MPP le/kgotsa Foromo ya AMPP; dintlha tsa Dirasiti tsa Leeto la Moria; le dintlha tsa bana botlhe ba ba kafa tlase ga gago. • Fa buka ya gago e o e dirisang gone jaanong e tlala, kgotsa e latlhega, o tla newa bukana e ntšha ya dirasiti tsa go duela ga gago go dirisiwa tlhwatlhwa ya tuelo ya gago ya gale. • Seno se raya gore, go simolola ka Letlha la go Simolola o tla nna le dibukana tse pedi, e leng,– o bukana e ntšhwa ya melao le melawana ya go nna leloko; le o buka ya gago ya go nna leloko, e e tla tswelelang go dirisiwa go nna bukana ya dirasiti go fitlha ka nako ya fa o tla bo o batla bukana e ntšhwa ya dirasiti. O ka bona kae tshedimosetso e e oketsegileng? Tsweetswee ikgolaganye le ofisi e e tlamelang ka thuso ya KIA mo 0800 000 538 fa o batla go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka Kopo ya Kgotlatshekelo, mofuta wa diphetogo tse di tshitshinngwang le melawana ya konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya e e ntshiwang ke Sanlam. Mo godimo ga moo, tsweetswee ela tlhoko gore khopi ya Kopo ya kwa Kgotla, e e akaretsang tsamaiso e e fetotsweng ya letlole, khopi ya bukana ya melao le melawana ya go nna leloko le melao le melawana ya konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya mmogo le ditokumente tse dingwe tse di botlhokwa, le yone o ka kgona go di bona mo lefelong le le tlamelang ka thuso la KIA le le gaufi le wena, mo webosaeteng ya KIA le mo www.mykganya.com. Dintlha malebana le lefelo la ditirelo la KIA di ka bonwa mo www.mykganya.com. Tshegetso ya ZCC Tsweetswee ela tlhoko gore nna: • ke dumalana le diphetogo tse di dirwang mo Letloleng le melao e e laolang Letlole; e bile • amogela Sanlam ka botlalo gore e nne yone e rulaganyang dithuso tsa inshorense e e amogelang go go naya thuso tumalanong le konteraka ya inshorense ya Pukwana ya Kganya. Maloko otlhe a a amogelang dithuso mo letloleng ba ka tlhomamisega gore dithuso tse di ntshiwang ke Letlole gone jaanong di tla nna di sireletsegile. Motlotlegi Moruti Mobishopo Dr B E Lekganyane Letlha: 28 / 02 / 2022

RkJQdWJsaXNoZXIy MTI4MTE=